Goreng bokubu ba sena moriri
Basilio Gimo
Goreng bokubu ba sena moriri
Free
Description
Contents
Reviews

Go tswa ga lowe mebutla e le diphologotswana tse di tlhagelelelang gantsi mo dinaaneng tsa Aforika. O itsege ka matlhajana le go fenya ka dinako tshotlhe. Naane e ga e farologane le se re se itseng ka ga matlhajana a ga mmutlwa.



This is the Setswana version. Versions of this book have been produced by the African Storybook Project in


  • English

  • Ateso

  • Setswana

  • Maa

  • Oluwanga

  • Ng’aturkana

  • Lumasaaba (Lugisu)


The Red Zebra Project celebrates African storytelling in local languages.
Language
Tswana
ISBN
Unknown
Goreng bokubu ba sena moriri Basilio Gimo, David Ker Setswana
Ka letsatsi lengwe Mmutla o ne a tsamaya fa thoko ga noka.
Kubu le ena o ne a le koo, a itsamaela fela ebile a ijela bojang jo botala bo bo monate.
Kubu o ne a sa lemoge gore Mmutla o teng fao mme a gata leoto la gagwe ka phoso. Mmutla o ne a goa mme a simoloa go omanya Kubu, “Wena Kubu! Ga o bone gore o gata leoto la me?”
Kubu o ne a kopa maitshwarelo mo go Mmutla, “Intshwarele tsala ya me. Ke ne ke sa go bone. Ka kopo tlhe intshwarele!” Mmutla o ne a sa batle go reetsa mme a tswelela ka go omanya Kubu, O dirile se ka bomo! Ka letsatsi lengwe, o tlile go bona! O tlile go duela!”
Jaanong mmutla a ya go batla Molelo mme a re, “Tsamaya o ye go fisa Kubu fa a tswa mo metsing a ya go fula bojang. O nkgatile leoto!” “Ga gona bothata, Mmutla tsala ya me. Ke tla dira se o se kopang,” ga araba Molelo.
Fa Kubu a ntse a fula bojang kgakajana le metsi, o ne a utlwa “shuuuu!” Molelo o ne a ntsha malakabe a gagwe mme a simolola go fisa moriri wa ga Kubu otlhe.
Kubu o ne a tshimolola go lela mme a tabogela kwa metsing. Moriri wa gagwe otlhe o ne o fisitswe ke molelo. Kubu o ne a tswelela go lela, “Moriri wa ka o fisitswe ke molelo! O fisitse moriri wa ka otlhe! Moriri wa ka otlhe o ile! Moriri wa ka o montle! Moriri wa ka o montle!”
Ke ka moo Kubu a sa tsamaeleng kgakala le metsi ka ntlha ya fa a tshaba gore o tla fisiwa ke molelo. Mmutla o ne a itumetse thata fa Kubu a fisitwe ke molelo, a goa a re, “Ke mo tshwere!”
Goreng bokubu ba sena moriri Story Text By: Basilio Gimo, David Ker Illustration: Carol Liddiment, Anonymous Translated By: Versioned By: Lorato Trok Language: Setswana © Red Zebra Project This work is licensed under a Creative Commons Attribution (CC-BY) Version 3.0 Unported Licence Disclaimer: You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute or credit the original author/s and illustrator/s. Text copyright SIL Mozambique, www.lidemo.net. The Red Zebra Project celebrates African storytelling in local languages. To find out more, visit http://redzebraproject.com.
The book hasn't received reviews yet.